18/07/2025
Re leba Pampierstad Lentswe Book Club 10th Anniversary ka Phatwe! Are nne mmogo..
Go keteka dingwaga dile lesome le botshelo jwa ga Ngaka Gaopalelwe Morwa Motebe..
Prof. Sabata Mpho Mokae nkabe a re tshwere ka buka ya gagwe e ntshwantshwa e bidiwa : LEFATSHE KE LA BADIMO..are reke buka jaanong jaana gore kopano ya rone e nne e boitshegang..
Ka boripana,lemorago la ga Prof Mokae ke le:
Sabata Mpho Mokae ke Mokwadi wa Ga Ke Modisa , e e fentseng M-Net Literary Award ka go nna padi e gaiasitseng ya Setswana mmogo le M-Net Film Award ka ngwaga wa 2013. Ka ngwaga wa 2011 o ne a fenya South African Literary Award.. Padi ya gagwe ya Losa,, Dikeledi,e golotswe ka ngwaga wa 2014. Ka one ngwaga wa 2014, Mokae o ne a le yo o filweng bonno kwa University of Iowa kwa Amerika. Moletlo Wa Manong ke tiro ya gagwe ya botlhami jwa Setswana ya Boraro. O fetoletse dibuka tsa ga Gcina Mhlophe , Dinaane tsa Aforika le Semaka sa Dinaane, go tswa mo puong ya seesemane go ya go ya Setswana ka ngwaga wa 2015. Ka ngwaga wa 2017, o ne a abelwa Lesedi la Afrika Award. Lefatshe Ke La Badimo ke padi ya gagwe ya bonne, e golotswe ka 2025. Ke motlhatlheledi wa bokwadi kwa Sol Plaatje University kwa Teemaneng, Aforika Borwa.